BASADI MO DIKABELONG TSA METSI 2005
Mo temogong ya seabe se basadi ba nnileng le sona, mme ba tsweletse go nna le seabe mo lephateng la metsi mo Aforika Borwa, Lefapha la Merero ya Metsi le Dikgwa, ka tshegetso ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, ka tshegetso ya Khomišene ya Dipatlisiso ya Metsi le Setheo sa Metsi sa Aforika Borwa, le tshegeditse Basadi mo Dikabelong tsa Metsi ngwaga le ngwaga.
Itshimololelo e, a ikaeletse go tlotla le go itumelela seabe sa basadi mo lephateng la metsi le go tlhagisa:
Go nna le seabe ga basadi ba porofešene le basadi ba ba mo setšhabeng mo tsamaisong ya metsi; le
Seabe se segolo sa basadi tebang le metsi mo go fediseng lehuma, thuto le tlhabololo e e tswelelang kwa ditoropong le kwa metseng ya selegae.
Ngwaga mongwe le mongwe dikabelo di tloltomatsa basadi ba ba nnileng le seabe se segolo mo maphateng a a latelang:
Dipatlisiso tsa Bagolo ( ke tsa mosupiwa wa dingwaga di le 35 le go feta);
Dipatlisiso tsa ba Bannye (ke tsa mosupiwa wa dingwaga tse di kwa tlase ga 35);
Tlhabololo ya Setšhaba;
Thuto le Kelotlhoko; le
Tsamaiso le go dira Pholisi.
Basupiwa ba maphata a, e ka nna motho ka nosi kgotsa setlhopha. Dikabelo di tla newa basadi ba ba boineelo, basadi ba ba dirileng sentle mo mofameng wa bone, mme ba nnile le seabe se se botlhokwa thata mo lephateng la metsi mo Aforika Borwa.
MOSUPATSELA WA BASADI MO METSING (WWA) 2005
Se se tshwanetse go dirisiwa go supa tsela ya go supa mosadi/basadi ba ba nang le seabe mo diporojekeng tse di amanang le metsi ka tlhamalalo le tse e seng tsa tlhamalalo
Rekhoto ya bopaki jwa diphitlhelelo le kamego;
Boitlhamedi le boeteledipele;
Tsamaiso le tiragatso ya porojeke;
Seabe mo go fetoleng maitsholo ka mokgwa o o siameng
Seabe sa tlhabololo le tiragatso diporojeke tse di itsweletsang pele;
Seabe mo setšhabeng/morafeng/beng/badiragatsi;
Boineelo le Kgotlelelo;
Seabe mo tiragatsong ya go tsaya ditshwetso;
Maikarabelo; le
Botswerere jwa thotloetso.
LETLHA LA NEELO LA MAFELELO
Diforomo tsa go supa tse di tladitsweng di tshwanetse go amogelwa pele ga 15 Ngwanatseele 2004.
THOMELO
Romela diforomo tsa gago kwa go:
